FEDISA botsietsi, bobodu, bosenyi le mekgwa e e sa dumelelwang
Letsetsa 0800 200 821
Lefapha le tlhomile mogala o o sa duelelweng wa diura di le 24 go bega ka ga botsietsi kgotsa mokgwa o o sa dumelelwang.
Le fa o ka nagana go tlisa leina la gago, tshedimosetso le boikitsiso jwa gago e tla nna khupamarama. Mogala o tla dira diura di le 24 ka letsatsi, matsatsi a le 365 ka ngwaga. Megala e letswa ntle le tuelo mme e ka letswa kwa difounung tsa poraefete kgotsa tsa botlhe o sa duele sepe.
Mogala o o tlhomilwe go ka oketsa mokgwa wa tiro o o boikanyego le go neela badiri ditsela tsa go tlhagisa sengwe le sengwe se se sa dumelelwang kwa bolaoding jo bogolo.
Se ke tšhono ya gago go thusa mo go thibeleng botsietsi, bobodu, bosenyi le mokgwa o o sa dumelelwang, jaaka go bogisa ka thobalano, mo Lefapheng.
Mogala o dira jaana:
Kgato 1
Letsetsa 0800 200 821
Kgato 2
O ka letsa o sa tlhagise leina la gago fela o netefatse gore o neelana ka tshedimosetso le dintlha tsotlhe (mang, eng, kae, leng, jang le boleng jo bo amegang) go motho yo o arabang mogala.
Kgato 3
O tla newa nomoro ya tshupetso. Tshola nomoro e jaaka khupamarama, ka gonne o tla e tlhoka fa o batla go letsa gape go bona tshedimosetso e nngwe
